Barolong Ba Bina Tholo Moapara Nkwe

Tota Bogosi jwa Borolong botswa kgakaleng. Barolong baipitsa barolong ka lebaka lagore Kgosi ya bone yantlha ene ebidiwa Morolong ka leina. Barolong botlhe baana Tholo edinaka di machope.

Barolong gaba fitlha kwa molopo, ebe ele gore Kgosi Morolong onna le bana eleng

  1. Noto
  2. Morara
  3. Modiboa
  4. Bothibela
  5. Mokgopa
  6. Mariba
    Jalo Jalo!

Kgosi Tau kele tlhogela la ga Kgosi Morolong

Mme barolong baeleng gore baitsege thata ke baba tlhano (5) baga Kgosi Tau eleng

  1. Ratlou
  2. Tshidi
  3. Makgetla
  4. Seleka
  5. Rapulana
  • Matlaba
  • Seatlholo

Mmasepala wa Setlagole o telletswe ka Kgosi Ratlou.

Gaane Kgosi Tau aya kwa Taung, Ratlou one asetse ale monnyane go apara kobo ya Bogosi, a be atshegelediwa ke Thutlwa, ke Kgosi Nthuwa, mogolowe Kgosi Ratlou.

Ratlou yoo, ona le ngwana kwa Ganyesa eleng Mariba. Mariba atsala Letlogile.
Abe anna le Ntlo ya bobedi kwa rra Seitshiro, kwa Khunwana, kwa Setlagole

Bogosi jo bo tonna jwa Borolong bo ko Ganyesa.

Kgosi Ratlou one atlhokafalela kwa Mosita, ngwana wa gagwe eleng Seitshiro, ke ena o okameng metse ele ya Kraaipan le ee mabapi.

Tshidi ene abo aya kwa Mahikeng, atsaya karolo ya teng yanna Barolong boo raTshidi.

Morafe wa ba Tlhaping oipitsang ore ke batlhaping, gaese batlhaping, ke barolong. Baipitsa ba tlhaping kagore, gaole mo Warrenton gona le Vaal river.

Mo Vall river gane Barolong bane batswa moo baya kgaolong eko Ganyesa, bone baile basala, ba be baja ditlhapi, ba be baipitsa Batlhaping.

Mme gaoya ko kgotlheng ya kwa go Kgosi Mankurwane, otla fitlhela phologolo eba ebeileng ele Tholo edinaka dimachope, eseng Tlhapi. Gopola gore Barolong baana Tholo.

Morafe oipitsang ore ke Batlhware ko Kuruman, gaese Batlhware mme ke Bahurutshe. Ke Bahurutshe ba batswang teng ko Lehurutshe ba be ba gonna kwa Kuruman.

Ere bagoroga kwa Kuruman, Kone ba fitlha teng, gone gona le setlhare sese bidiwang Motlhware, ba be baipitsa Batlhware, Babina Tshwene, ka mantswe amangwe Batlhware batshwana fela le Batlhaping.

Merafe e me tonna tota mo Batswaneng eme bedi, keya Barolong le ya Bahurutshe

Sentle sentle Barolong baipitsa goya ka maina a Dikgosi tsa bone tse di tonna

Barolong ba ga Sehuba
Barolong ba ga Morakile
Barolong boora Makgetla
Barolong boo Tlou le Tau
Barolong boo Tshidi (Mahikeng)
Barolong boo Tshidi (Botswana)
Barolong boo Ratlou ba ga Phoi
Barolong boo Maiketso boo Mariba
Barolong boo Seleka (Thaba-Nchu)
Barolong boo Ratlou ba ga Makgobi
Barolong boo Ratlou ba ga Seitshiro
Barolong boo-Seleka (Moroka- Botswana)
Barolong boo Seleka (Matsiloje- Botswana)
Barolong ba ga Modiboa (Bodibe- Lichtenburg)
Barolong boo Rapulana ba ga Matlaba (Bodibe)
Barolong ba ga Lefifi (Nokaneng- Mpumalanga)
Barolong boo Rapulana ba ga Seatlholo (Lotlhakane)
Barolong ba ga Modiboa (Machaviestad- Potchefstroom)

JALO JALO!

12 Replies to “Barolong Ba Bina Tholo Moapara Nkwe”

  1. My surname is makgobi,currently staying in mahikeng,I really want to know the history of barolong bo ratlou ba makgobi,unfortunately my parents passed away while I was still very young

    Like

  2. Jaaka lore Batlhaping ke barolong…. ga ba simolola kwa warrenton kwa vaal river, ba ile ba sala ba le ka fa tlase ga bogosi jwa ga mang?…. le gone ba kopana jang le Kgosi Galeshewe? o ka kitso yame ke itsing e le yone Kgosi ya Batlhaping Ba Ga Phuduhudu eseng Tholo… ke kopa fela tlhalosonyana fela e e maleba le se. (Motlhaping wa ga Molehe )

    Like

  3. Having read this I thought it was really enlightening. I appreciate you taking the time and energy to put this information together. I once again find myself personally spending a significant amount of time both reading and posting comments. But so what, it was still worthwhile!

    Like

  4. Bana ba ga Ratlou kwa Ganyesa/Morokweng area ba babedi…e leng Mariba le Mokalala. Phoso foo: Mokoto-Marumo-Matubako ke borwa Mokalaka e leng Seitshiro.

    Like

  5. Ke kopa tlhaloso, nna ke morwadia Baruki morwa Marope , ngwana wa ga Mabe originated from Molepolole in Botswana. Ke batla go tlhaloganya gore a bara Mabe ba bakwa Thabancho and other parts of Africa , a re batho ba le bangwe ? I really want to know my roots. Please help

    Like

  6. Dumela bagaetsho ke nna Olebogeng Thipe ke batla go itsi setsho sa ko gae, kopa fela thuso ya gore bo Rra Thipe ke ba merafe e feng?

    Like

Leave a reply to Sam Cancel reply

Design a site like this with WordPress.com
Get started